Galatians 5

Kgololesego ka Keresete

1Jalo he, Keresete o re golotse. Jaanong tlhomamisang gore lo nne lo golotswe mme lo seka lwa golegelwa lotlhe gape mo dikeetaneng tsa botlhanka tsa melao le mediro ya Sejuta. 2Ntheetsang ka tlhawaafalo, gonne se ga se dinyana: fa e le gore lo ikaegile mo go rupisiweng ebile lo tshegetsa melao ya Sejuta go lo siamisa mo Modimong, jalo Keresete ga a kake a lo boloka. 3Ke ipoeletsa gape ka re: le fa e le mang yo o lekang go nna botsalano le Modimo ka go rupisiwa o tshwanetse go obamela molao mongwe le mongwe wa Sejuta malatsi otlhe e seng jalo a nyelele. 4Keresete ga a na thuso epe mo go lona fa lo ganelela mo go phimoleng molato wa lona kwa Modimong ka go tshegetsa melao eo: lo latlhegile mo tshegofatsong ya Modimo.

5Mme rona ka thuso ya Mowa O O Boitshepo re ikaegile mo losong lwa ga Keresete go phimola dibe tsa rona le go re siamisa mo Modimong. 6Le gone rona ba Keresete a re neetseng botshelo jo bo sa khutleng ga go tlhokege gore re tshwenyege ka gore a re rupisitswe kgotsa nnyaa; kgotsa gore a re obamela mediro ya Sejuta kgotsa nnyaa; gonne gotlhe mo re go tlhokang ke tumelo e e dirang ka lorato.

7Lo ne lo direla Modimo sentle thata. Yo o lo kgoreleditseng a lo busetsa kwa morago mo go saleng boammaaruri morago ke mang? 8Tota ga se Modimo o o dirileng jalo, gonne ke one o o lo bileditseng mo kgololesegong mo go Keresete. 9Mme motho a le mongwe fela yo o sa siamang mo gare ga lona o siamolola ba bangwe botlhe. 10Ke ikanya Morena go lo busetsa mo go dumeleng jaaka ke dumela kaga dilo tse. Modimo o tlaa atlhola mosiamolodi yoo, le fa e ka ne e le mang, yo o ntseng a lo tshwenya ebile a lo tlhakatlhakanya ditlhogo. 11Batho bangwe ba re Nna tota ke rera gore thupiso le melao ya Sejuta di tlhokega mo leanong la poloko. Jalo he, fa e le gore ke rerile jalo, ke ka bo ke sa tlhole ke bogisiwa, gonne molaetsa oo ga o kgopise ope. Lebaka le ke santseng ke bogisiwa ka lone, le supa gore ke santse ke rera poloko ka tumelo mo mokgorong wa ga Keresete a le nosi.

Ditaolo tsa Mowa O O Boitshepo

12Ke eletsa fela gore baruti ba, ba ba batlang gore lo ikgaole ka go rupisiwa ba ikgaole mo go lona ba lo tlogele!

13Gonne bakaulengwe, lo neetswe kgololesego: e seng kgololesego ya go dira bosula, mme e leng kgololesego ya go ratana le go direlana. 14Gonne Molao otlhe o ka khutshwafalediwa mo taolong e e reng: “Rata ba bangwe jaaka o ithata.” 15Mme fa mo boemong jwa gore lo supe kgolagano ya lorato mo go lona, malatsi otlhe lo buana bosula lo rumolana, itlhokomeleng! Itiseng mo go koafatsaneng.

16Ke lo gakolola gore lo obamele ditaolo tsa Mowa O O Boitshepo fela. O tlaa lo bolelela gore lo ye kae le gore lo dire eng; jalo ga lo na go dira dilo tse di sa siamang malatsi otlhe tse tlholego ya lona e e bosula e batlang lo di dira. 17Gonne ka tlholego re rata go dira dilo tse di bosula tse e leng gore ke dilo di sele fela mo dilong tse Mowa O O Boitshepo o re bolelelang gore re di dire; mme dilo tse di molemo tse re batlang go di dira fa Mowa O O Boitshepo o re kaela tsela ke dilo di sele mo dithatong tsa rona tsa tlholego. Dinonofo tse pedi tse, tse di mo go rona, di tsweletse ka go lwela go re laola, mme dikeletso tsa rona ga di a gololesega mo dikgatelelong tsa tsone. 18Mme fa lo gogwa ke Mowa O O Boitshepo ga go sa tlhole go tlhokega gore lo ipateletse go obamela melao ya Sejuta. 19Mme fa lo sala morago dithato tsa lona tse di bosula, matshelo a lona a tlaa ungwa maungo a a bosula a: megopolo e e leswe le keletso ya dithato tsa senama, 20go rapela medimo ya disetwa, mewa e e maswe (ke gore go kgothatsa tiriso ya badimo), kilo le go lwa, lefufa le kgakalo, go ikgagapela, dingongorego le go buana bosula, maikutlo a gore mongwe le mongwe o phoso fa e se ba ba mo setlhopheng sa gago fela, gape go tlaa nna thuto e e seng ya boammaaruri, 21bopelotshetlha, go bolaya, botagwa, botlhapelwa le gotlhe fela moo. Mmang ke lo bolelele gape jaaka pele, gore le fa e le mang yo o tshelang botshelo jo bo ntseng jalo ga a kitla a rua bogosi jwa Modimo.

22Mme fa Mowa O O Boitshepo o laola matshelo a rona o tlaa ungwa loungo lwa mofuta o mo go rona: lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, boikanyego, 23tshiamo le boitshwaro; mme fa ga gona kgogakgogano le melao ya Sejuta.

24Ba e leng ba ga Keresete ba kokotetse dithato tse di bosula tsa bone tsa tlholego mo mokgorong wa gagwe ba di bapola gone foo.

25Fa e le gore jaanong re tshela ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo, a re gogweng ke Mowa O O Boitshepo mo tokololong nngwe le nngwe ya matshelo a rona. 26Mme ga re na go tlhokana le go ipatlela tlotlo le go itsege mo go gogelang kwa lefufeng le mo go tsholaneng ka dipelo.
Copyright information for TsnLEF